John 3

Jesu o ruta Nikodemo

1
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 3:2.
2
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 3:1-2.
Mme ya re bosigo bongwe morago ga lotlatlana, moeteledipele wa tumelo ya Sejuta yo o bidiwang Nikodemo, wa leloko la phuthego ya Bafarasai, a tla go kopa Jesu thuso. A re, “Rra, rotlhe re itse gore Modimo o go romile go tla go re ruta. Dikgakgamatso tsa gago di supa ka botlalo gore o romilwe ke Modimo.”

3Mme Jesu a fetola a re, “Ka tlhoafalo yotlhe e ke nang nayo ke go bolelela se: fa o sa tsalwe sesha, ga o kake wa tsena mo Bogosing jwa Modimo.” 4Mme Nikodemo a gakgamala a re, “Ke tsalwe gape! O rayang? Motho e ka re e le mogolo o ka boela jang mo sebopelong sa ga mmaagwe gore a tsalwe gape?”

5Mme Jesu a fetola a re, “Se ke se go bolelelang ka tlhoafalo ke se: kwa ntle ga gore motho a tsalwe ka metsi le ka mowa ga a ka ke a tsena mo Bogosing jwa Modimo. 6Batho ba ka tsala batho ba bangwe fela, mme Mowa O O Boitshepo o naya botshelo jo bosha jo bo tswang legodimong. 7Jalo he, o se gakgamalele go bua ga me fa ke re o tshwanetse go tsalwa gape! 8Fela jaaka o ka utlwa phefo mme o ka seka wa bolela kwa e tswang teng kgotsa kwa e tlaa fokelang teng gape, Mowa o ntse fela jalo. Ga re itse gore o tlaa neela mang botshelo jo, jo bo tswang legodimong.”

9Mme Nikodemo a mmotsa a re, “O rayang?” 10
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 3:11.
11
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 3:10-11.
Mme Jesu a fetola a re, “O moruti wa Bajuta yo o tlotlegang, mme a ga o ise o tlhaloganye dilo tse? Ke go bolelela se ke se itseng e bile ke se bonye, mme le fa go ntse jalo ga o ise o ntumele.
12Mme fa o sa ntumele fa ke go bolelela ka ga dilo tse di diragalang fano mo bathong, o ka dumela jang fa ke go bolelela ka tse di diragalang kwa legodimong? 13Gonne ke nna fela, Morwa Motho, yo ke tsileng mo lefatsheng mme ke tlaa boela kwa legodimong gape.

14“Mme fela jaaka Moshe a ne a tsholetsa setshwantsho sa noga ya kgotlho mo mopakong, le nna ke tshwanetse go tsholediwa fela jalo mo mopakong. 15Gore le fa e le mang yo o dumelang mo go nna a tle a bone botshelo jo bo sa khutleng. 16Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo mo o neng wa ntsha Morwa One a le esi gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a seka a nyelela mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. 17Modimo ga o wa ka wa romela Morwa One go atlhola lefatshe, fa e se go le boloka.

18“Ga go na tshekiso ya bosakhutleng e e emetseng ba ba mo ikanyang go ba boloka. Mme ba ba sa mo ikanyeng ba setse ba sekisitswe ebile ba atlhotswe ka ntlha ya go sa dumeleng mo go morwa Modimo yo o esi. 19Katlholo ya bone e itsetsepetse mo boammaaruring jo: gore Lesedi le le tswang kwa legodimong le tsile mo lefatsheng, mme ba rata lefifi go gaisa Lesedi, gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. 20Ba ila Lesedi la legodimo gonne ba ne ba batla go leofa mo lefifing. Ba nna kgakala le Lesedi leo gonne ba ne ba tshaba gore dibe tsa bone di tlaa bewa mo pontsheng, mme ba otlhaiwe. 21Mme ba ba dirang tshiamo, ba tla ka boitumelo mo Leseding gore mongwe le mongwe a bone gore ba dira se Modimo o batlang ba se dira.”

Johane o tlhalosa ka ga Jesu

22Erile morago, Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo Jerusalema mme ba nna ka lobakanyana mo Judea ba kolobetsa teng.

23
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 3:24.
24
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 3:23-24.
Ka nako e, Johane wa Mokolobetsi o ne a ise a tsenngwe mo kgolegelong. O ne a kolobetsa kwa Ainona gaufi le Salema, gonne go ne go na le metsi a mantsi teng.

25Letsatsi lengwe mongwe a simolola go ngangisa barutwa ba ga Johane a ba bolelela gore kolobetso ya ga Jesu ke yone fela e e botoka.

26Hong ba tla kwa go Johane ba mo raya ba re, “Rra, monna yo o neng o na nae ka kwa moseja ga Noka ya Jorodane, yo o neng wa re ke Mesia, le ene o a kolobetsa, mme mongwe le mongwe o ya teng mo boemong jwa go tla kwano go rona.”

27Johane a fetola a re, “Modimo kwa legodimong o tlhoma tiro ya mongwe le mongwe. 28Tiro ya me ke go betlela monna yoo tsela gore mongwe le mongwe a tle a ye kwa go ene. Le lona tota lo itse ka fa ke lo boleletseng sentle ka teng gore ga ke Mesia. Ke fano go mmaakanyetsa tsela, ke gone gotlhe. 29Ka tlwaelo bontsintsi bo ya kwa go se se gapang maikutlo, monyadiwa o ya kwa monyadi o teng! Ditsala tsa monyadi di itumela nae. Ke tsala ya monyadi, mme ke tletse boitumelo mo tswelelong pele ya gagwe. 30O tshwanetse go tlotlega thata, mme nna ke tshwanetse go ngotlafala thata. 31O tswa legodimong ebile o mogolo mo go mongwe le mongwe. Nna ke wa lefatshe, mme tlhaloganyo ya me e lekaganyeditswe mo dilong tsa lefatshe fela. 32O bolela se a se bonyeng le se a se utlwileng, mme ke ba se kae fela ba ba dumelang se a se ba bolelelang!

33
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 3:34.
34
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 3:33-34.
“Ba ba mo dumelang ba bona gore Modimo ke motswedi wa boammaaruri. Gonne yo, yo o romilweng ke Modimo, ebile o bua mafoko a Modimo, gonne Mowa wa Modimo o mo go ene mo go senang selekanyo.
35Rara o rata monna yo gonne ke Morwae, mme Modimo o mo neile sengwe le sengwe se se leng teng. 36Mme botlhe ba ba dumelang Morwa Modimo go ba boloka, ba na le botshelo jo bo sa khutleng; ba ba sa mo dumeleng ebile ba sa mo reetse ga ba kitla ba bona legodimo, mme bogale jwa Modimo bo ntse mo go bone.”
Copyright information for TsnLEF